Maloko a NCOP a bone go le botlhokwa gore gonne le diphetogo di le mmalwa mo go yona, jaaka go lebelela gore molawana ona o kwadilwe jang. Phetogo ya bobedi ke gore molawana ona o dirilwe ka 1993 fa Molao wa Ditlamo o ne o se teng, ka jalo, maloko a ile a tsaya tshwetso ya gore go tsenngwe Molao wa Ditlamo gonne go le botlhokwa gore Tshekatsheko ya Tsamaiso e bone gore ditlamo tsa puso di dira jang.