Puso ye e eteletsweng pele ke ANC e itemogela go tswelela e dirisanammogo le ditlamo, baagi le bogosi ka kakaretso go tsweletsa tlhabololo le go tlhola ditiro go fedisa lehuma, gonne Setswana sa re sedikwa-ke-ntjapedi ga se thata e bile mabogo-dinku a thebana. Seno se tsweletswa ke baagi ba Mokgalwaneng, Maatlametlo, Disake mo Ward 29 ka tshwaraganommogo le ba setlamo sa PPC kwa Dwaalboom.
Ba gaPPC ba ntshitse madi a ka naka R48 million go dira tsela ya sekontiri. Ba tshwaraganemmogo le ba puso ya Bokone-Bophirima le Masepala wa Moses Kotane. Tsela e e tla tlhola ditiro go baagi ba metse e umakilweng. Baagi ba tla thapiwa go ya ka foramo ya ditiro e leng teng mo Ward 29.
Kwa ntle ga tsela e, go na le diprojeke tseo di leng teng tsa namolo-leuba ka tshwaragano le ba PPC. Dikonteraka tse di thapile badiri ba e leng baagi ba Ward 29 ba le sekete. Seno se senolwa ke seo dipholisi tsa rona di ikaelelang go se dira go bona batho ba rona ba tswelela mo bophelong. Seno se konotelelwa gape ke Charter ya Kgololosego. ANC e tshegetsa se. Ke a leboga. [Legofi.] (Translation of Setswana member's statement follows.)
[Ms M J J MATSOMELA (ANC): The ANC-led government has established an ongoing partnership with companies, communities and chiefs to bring developments and to create jobs in order to eradicate poverty. There is a Setswana saying which says that a problem becomes simple when you work together with others and therefore people must help each other. This is what the residents of Mokgalwaneng, Mastlametlo, Disake in Ward 29 do in partnership with PPC Company in Dwaalboom.
PPC together with the North West government and Moses Kotane Municipality donated about R48 million to construct a tarred road. This road will create jobs for residents of the villages stated above, and they will be employed according to the employment forum which is present in Ward 29.
Besides the construction of this road, there are also other poverty eradicating projects available in partnership with PPC. These contractors employ 1000 residents of Ward 29. This is a reflection of what our policies want to achieve in order to improve the lives of our people. This is also endorsed by the Freedom Charter. The ANC supports this initiative. Thank you. [Applause.]]