Chairperson, I hope you will allow that I could respond to more than one of the matters raised. I'll try to be brief with respect to them. Perhaps to begin one would say that ...
... re dumelana le Rre Modisenyane gore bomme ba na le bokgoni. Ke ne ke sa itse gore fa a bua a o amogela bokgoni ba setlhopha sa mmino sa Dolce kgotsa bokgoni ba mmaMoloi, mme re dumelana le ena gore bomme ba na le bokgoni tota.
Fa re tla mo go tsa thuto ke a utlwa gore FF Plus e dumela thata fa e bona FF Plus ya ba?a e tsaya ditlhopho mo Yunibesithing ya Foreisitata. Se re se tshephang le se re se batlang ke gore FF Plus e dire gore bana ba rona ba ba mo unibesiting eo, ba tsamaisane e le bana ba Aforika Borwa botlhe. Re seka ra bua gore bana ba basweu ba tshaba se, ba bantsho ba tshaba sele. Rona re le baeteledipele a re leke gore yunibesithi eo, e nne ya Aforika Borwa e seng ya ngwana wa mmala o, kgotsa wa mmala ole. [Legofi.]
Fa re tla mo puong ya UCDP ke batla gore, go fa ngwana pampiri ya ditlhatlhobo pele ga tlhatlhobo ga go mo molaong. Ke dumalana le wena gore ke selo se re ka keng ra se dira. A re kopeng bana ba rona go ithuta. A re kopeng barutabana go ruta bana ba rona.
Re dumetse gore re tlile go fa barutabana madi fa ba ruta ka malatsi a boikhutso a kgwedi ya Lwetse. Diporofense tse dingwe di setse di dira sentle ka tsamaiso ya tsona ya go ruta bana go oketsa nako ya go ithuta. Re itumelela selo seo. Go fa bana pampiri ya ditlhatlhobo go tota go se mo molaong. Ga se selo se re ka se dirang. Ga nkitla ke dumelela seo go diragala.
Kwa bofelong, ke batla go bua ka Khutsong. Ga ke itse gore ke re ke dumela gore ke Cosas le Sadtu di dirang gore bana ba seka ba tsena sekolo. Ga ke na kitso eo. Ke ne ke ka rata gore Rre Boinamo a mphe dilo tse a di boneng tse di supang gore ke batho bao ba dirang dilo tseo. Nna se ke se boneng ke batho ba le bantsi; ga ba mo mokgatlhong o kgotsa ole.
Ke itumelela tiro e Mokhuduthamaga wa Thuto, Rre Tselapedi, a e dirileng go leka go thusa bana ba ba iponang ba le mo matshwenyegong a go ithuta kwa Khutsong. Se nka se dirang ke go kopa batsadi ba bana ba rona kwa Khutsong gore ba rotloetse bana go boela sekolong. Re le batsadi ga re a tshwanela go letla bana go nna kwa ntle ga sekolo.
Fa re buisa dikuranta, di re bana ga ba tsene sekolo, re se ka ra tsaya gore ke dikolo tsotlhe tse di sa direng. Tse dingwe di a dira, di tsamaya sentle. Mo re bonang go na le sekolo se se sa tseneng, ke le moeteledipele jaaka wena, ke ile kwa sekolong seo ka bona gore bana ga bayo mo go sona. Re kopa gore le re bolelele, re tla ya mo sekolong seo, gore re thuse bana ba rona. Ke a leboga, Modulasetilo. [Nako e fedile.] [Legofi.] (Translation of Setswana paragraphs follows.)
[... we agree with hon Modisenyane that women have talent. When he spoke I was not sure whether he was acknowledging the talent shown by the Dolce music choir or Mrs Moloi's talent, but we agree with him that indeed women have talent.
With regard to education, I learned that the FF Plus bought into the idea when they noticed that their youth wing had won the student elections at the University of the Free State. What we expect and hope for from the FF Plus is for them to make it a point that all our students in that university work together as South African students. We, as leaders, should try to make that university a proudly South African institution and not a racially divided one that doesn't belong to all students. [Applause].
With regard to the UCDP speech I would like to pronounce that it is illegal to give a learner an examination paper before examinations start. I would like to assure you that it is something that we would not do. We should encourage learners to study and remind educators to teach our learners.
We have agreed to remunerate the educators for teaching during the September holidays. Other provinces are already doing well in their education recovery plan in order to catch up. We really appreciate that. Indeed, giving the learners an examination paper beforehand is illegal. It is something that we will not do and I won't allow that to happen.
Lastly, I would like to talk about Khutsong. I don't know whether it is true to say that Cosas and Sadtu are the ones that influence the learners not to attend school. I don't have substantive evidence to support that view. I would appreciate it if Mr Boinamo could give me that evidence to prove that they are the ones responsible. What I saw was a group of people that I could not associate with a particular party.
I appreciate what the MEC for Education Mr Tselapedi has done in helping those affected learners in Khutsong who have shown a keen interest in learning. What I can do is to request the parents of these learners to encourage their children to go back to school.
When we read in newspaper reports that there is no schooling, we should not regard all schools as being dysfunctional because some schools are doing very well. When we discovered that there was no schooling, as a leader like you, I visited the school and discovered that there were no learners. We therefore make a request to you to inform us, so that we can visit such schools to help our learners. Thank you, Chairperson. [Time expired.] [Applause.]]