Modulasetilo, e ne e le ka 1867 fa barongwa ba Majeremane ba sedumedi ba kereke ya Lutere ba ne ba ikabela lefatshe la Walmansdal, mme ba le aroganya ka dikarolo di le nne. Tse tharo tsa tsona ba di rekisetsa batho ba bontsi ba bona ba neng ba sa dumelane le kereke ya bona. Ba ikabela karolo e e mo gare go nna lefelo la kereke. Ba amogela batho ba e leng ba kereke go aga, go rua le go lema mo lefelong leo. Lefelo le la itsega jaaka lefelo la baruti, fa mafelo a mangwe a itsege jaaka kwa diteneng.
Ka 1967 baagi ba Walmansdal ba tlosiwa ka pateletso fa lefelo leo le ne le kaiwa e le la basweu. Ba rwelwe ka dilori tsa puso go ba latlhela mo gare ga dikgwa kwa Radium. Go ne go se na ditlhabololo dipe e bile go le kgakala le madirelo a kwa Tswane. Bana ba bona ba ne ba tlogela dikolo gonne ba tlositswe mo gare ga ngwaga. Lefelo leo la Radium e ne e ka nna dikilometara di le tlhano go tloga Belabela le go feta dikilometara di le 80 go tloga Walmansdal eo e nene e ka nna dikilometara di le 20 go tloga mo Tshwane. Ba ba sa rateng go ya Radium ba ne ba fudugela kwa Leboneng kwa Temba, bangwe ba ya Ga-Rankuwa, Mabopane, Soshanguve, jalo le jalo.
Re galaleletsa e bile re rorisa ka boipelo puso e, e e eteletsweng pele ke ANC, ka go busetsa batho ba Walmansdal lefatshe la bona. Ka 8 Lwetse 2007 re bone Tona ya Temothuo le Merero ya Mafatshe, Mme Xingwana, a neela baagi makwalo a boagi (title deeds). Se ke sesupo sa go bontsha gore ANC e a dira, e bile e kgathalela batho. Re re seno a e nne selo-modiro, batho ba boelwe ke mafatshe a bona, ba boele mo go robetseng badimo ba bona. Re a leboga. (Translation of Setswana member's statement follows.)
[Mr M S MOATSHE (ANC): Chairperson, it was in 1867 that the German Missionaries of the Lutheran church annexed the Waimansdal land and divided it into four parts. Three of those parts were sold to the majority of people who did not concur with their church. The central part of the land was given to a missionary and only church members were allowed to use it for farming and housing. This land became a sacred place for the missionary, while other places were neglected.
In 1967 residents of Walmansdal were forcibly removed from that land when it was declared a whites-only area. They were transported with government lorries and dumped in the middle of a forest in Radium. There were no developments and that area was far from Tshwane industries. The fact that they were removed in the middle of the year, resulted in children being forced to leave school. Radium was about 5 kilometres from Bela-Bela and more than 80 kilometres from Walmansdal which was about 20 kilometres from Tshwane. Those who did not want to go to Radium went to Leboneng in Temba, and others went to Ga-Rankuwa, Mabopane, Soshanguve, etc.
We would like to praise and congratulate the ANC-led government for restoring land to the residents of Walmansdal. On 8 September 2007, we saw the Minister for Agriculture and Land Affairs, Mrs Xingwana, giving the residents their title deeds. This is evidence that the ANC really works and cares for the people. We say this should be a continuous thing; people should get their land back, where their ancestors were laid to rest. Thank you.]