Ke a leboga Semesegolo, ditlamo di le tharo tsa megala ya letheka di neelane ka megala ya letheka e ka nna 80 000. Dikabelo tseno ke bontlhabongwe jwa maitlamo a ditlamo tseno di a dirileng fa di ne di abelwa tetla ya go dirisa mafaratlhatlha a bokgoni ba boraro ba bogokaganyi ... (Translation of Setswana paragraph follows.)
[Ms S R TSEBE (ANC): Thank you, Chief Whip. Three cellphone companies donated about 80 000 cellphones as part of the commitment they made when they received permission to use ...]
... a third generation network licence.
Tona ya Ditlhaeletsano e abile megala eno go thusa gore sepodisi sa Aforika Borwa se lwantshe bosenyi le go thusa Lefapha la Boitekanelo go gokaganya badiri le baithuti ba ba gasagasaneng mo nageng kwa dikgaolong tse di kgakala.
ANC e dumela gore tlhaeletsano kana bogokaganyi bo ka kgontsha puso go fitlhisa ditirelo set?haba go Maaforika Borwa, e bile e itumelela go dirisiwa ka botlalo ga bokgoni ba bogokaganyi mo go fitlheleleng maitlhomo a puso. ANC e akgola le bogatlhamela masisi ba Tona ya Ditlhaeletsano, Mogenerala Siphiwe Nyanda, mo go fitlhiseng ditirelo go Maaforika Borwa ka bophara. Ka go rialo, go bontsha gore:
Mmogo re ka dira go le gontsi. Ke a leboga. [Legofi.] (Translation of Setswana paragraphs follows.)
[The Minister of Communications donated these phones to assist the SA Police to combat crime and the Department of Health to connect employees and students in remote regions across the country.
The ANC believes that communication can enable government to bring social services to South Africans and is pleased that these connections have been utilised to achieve the intention of government. The ANC applauds the courage of the Minister of Communications, Gen Siphiwe Nyanda, in bringing services to South Africans in general. In saying that, we really confirm that: Together, we can do more. Thank you. [Applause.]]