Speaker ... ke batla go amogela mafoko a a builweng ke moemedi wa ANC a re bolelela ka tiro e e diriwang ke puso ya rona go tlisa botshelo jo bontle mo bathong ba ba nnang kwa Bojanala. Ke selo se re tlileng go se dira mo ditoropong le ditorotswaneng tsa Aforika Borwa ka gore ke tiro ya rona go dira gore batho ba rona ba nne le maokelo, ditliniki le dilo tsotlhe tse di ba thusang gore ba nne le botshelo jo bo siameng. Re itumela thata fa re bona puso ya rona e re agela sekolo fao re nna teng, mo dikolo di neng di teng pele ka puso e le ya maloba.
Ke batla gore ga ke dumalane gotlhelele le yo o re bolelelang gore ka nako ya ga Rre De Klerk go ne go sena batho ba ba emang ba lela ka go gatelelwa ke tlhaolele, seo ga se nnete. Re ne re lwantsha selo se, gongwe ene ga a gopole ka gore o ne a teng mo ntweng eo mme rona re a itse gore re dirile jang. Sa bofelo Mmusakgotla, ke batla gore re lekile mo Limpopo re le puso go thusa gore bana ba rona ba nne le dibuka le dilo tsotlhe tse di tlhokegang go tsamaisa thuto ya bana ba rona. Re le puso re beile madi, ba ba dirang mo pusong ya boset?haba ba thusa mo porofenseng ya Limpopo gore re baakanye mo go senyegileng teng, gore bana botlhe ba rona ba nne le dilo tse ba di tlhokang, le barutabana go thusa gore bana ba rona ba nne le tsamaiso e ntle ya thuto. Ke a leboga Mmusakgotla. (Translation of Setswana paragraphs follows.)
[I would like to accept what was spoken by the ANC member by telling us about the good job done by our government in bringing a better life to the people of Bojanala. That's what we are going to do in the cities and towns of South Africa because it is our duty to ensure that our people have hospitals, clinics and other things that make their lives better. We get excited when we see our government build a school where we stay, where schools didn't exist in the previous regime.
I would like to disagree with the one who says during the times of Mr De Klerk there were no people who stood up against apartheid; that is incorrect. We fought it; maybe you don't remember because you were not part of that war but we know how we did it. Lastly, Speaker, I would like to say that we have tried our best as the government to ensure that our children in Limpopo have books and other facilities needed for them to have a good education. We have put money aside as the government. Those who work in the national government are helping in the Limpopo province so that we can fix things that have gone wrong to ensure that all our children have what they need and that teachers are able to ensure a better education for our children. Thank you Speaker.]