Motlatsamodulasetulo wa Ntlo le Motlatsa MoPoresidente, ke botsa ka gore ke utlwa Motlatsa MoPoresidente o bua ka go tshegetsa borradipolasi ba ba tlhagalelang, jaanong nna ke sireletsa gore morago ga di patlisiso le go bona tiragatso ya pusetso ya mafatshe mo beng ba ona ba eleng gore kgale ba ntse ba letile mo dingwageng tse di fetileng. A puso ya rona, a e nale maano ebile a gape e nale ketleletso mo beng bao ba mafatshe go ka ba thusa?
Ke utlwile Motlatsa MoPoresidente a bua ka go tshegetsha borradipolasi bao, mme nna segolo bogolo, ke bua ka borradipolasi ba mmala wa sebilo. Gore lo ka ba tshegetsa yang. Le gore le ba tshegetse ka matlole jaaka o setse o buile ka go ba katisa. Le gore lo ka ba isa jang kwa bareking gore ba tle go reka. Ke potso e ke e lebisang ko go wena. Ke tlhatlhobo, ditlamorago le tshegetso ya borradipolasi ba ba ntsho mo nageng ka bophara, morago ga dipatlisiso mo dingwageng dile 25.
English:
Those are my questions. Thanks.