Bomme ke digatlhamelamasisi tsa kgololosego ya rona. Lefatshe le le sa tseyeng bomme tsiya ke lefatshe le le sa goleng. Ke ka moo ANC e ikaelelang go dirisanammogo le mekgatlo e e lwelang ditshwanelo tsa bana le basadi go ema puso nokeng. Re ikaelela go dirisana le mafapha a puso go bona gore bomme ba sirelediwa e bile disenyi, babeteledi le basotlakaki ba bana le basadi ba golegwa.