Modulasetilo le Tona ya lefapha, ruri dikgwebo tsa set?haba di ka se itshekege kgotsa gona go itshegetsa ka go bona dithusa kgapetsakgapetsa go tswa mo pusong go atlegisa taelo ya tsona. Go ya ka wena jaaka Tona, kakanyo ya gago ke eng se dikgwebo tse tsa set?haba di ka se tsweletsang go kgona go ikemela, go thusa puso go godisa ikonomi ya naga le go tlhola ditiro? Ke a leboga.