Ke a leboga Motlatsamodulasetulo, gompieno fa re ikgopotsa gore ke mengwaga ele 25 re bone tokologo, re gopola gore tokologo e, e nale metsotso le metsotswana e e leng gore re tshwanetseng gore re e lebelele mme re lebelele le kwa morago. Re lebelele dingwao le setso sa rona. Re lebelele le hisetori ya rona. Re kgone gore fa re tswelelapele, re itse gore ke rona bo mang le gore re ya yang pele.
Letsatsi la gompieno ke letsatsi le ereng gore re tshwanetse re le neye bagaka le bagakagadi ba e leng gore