Mmusakgotla, rona re le mokgatlho wa balwela kgololosego ya muruo, ga re ikamaganye le tekanyetsokabo eno. Dikgosi tsa rona le magosi a rona ga ba lekalekane. Bontsi ba magosi a rona bo feletswe ke tshepo ka go tlhoka tshegetso le go sa tlotliwe ke puso ya ANC. Dingwe tsa dikgosi tsa rona di fiwa madi a le mantsintsi, dimilionemilione tsa madi, fa tse dingwe di sa bone sepe mo pusong. Dikgosi tsa rona tsa magae a a tseelwang kwa tlase ke puso ga di fiwe tekanyetsokabo, mme ba ikamaganya fela le ditshweetso tse di tseiwang ke morafe.
Fa re ya kwa dimmasepaleng, bogwenegwene bo bo leng mo dimmasepaleng ka sekgoa re a re ke democratic looting ya ditlamelwana tsa set?haba e e dirwang ke batsamaisi le boradipolotiki ba ANC. Go tswa mo dimmasepaleng tse 2078 ke tse 11 fela tse di sa fitlhelelang boruni bo bo tsepameng. Se se re makaditseng ke gore Moporesitente o itumeletse dimmasepala tse 11 gore di dirile go ka tlala seatla, ntle le tse di makgolokgolo tse di paletsweng ke go fitlhelela boruni bo bo siameng. (Translation of Setswana paragraphs follows.)
[Mr A M MATLHOKO: Chairperson, the Economic Freedom Fighters do not associate themselves with this Budget Vote. Our kings and chiefs are not treated the same way. Most of our kings have lost hope due to the lack of support and disrespect they are getting from the ANC government. Some of our kings are allocated millions and millions of rands, while others are getting nothing from the government. Kings from rural areas who are undermined by the government, are not allocated a budget, but they only associate themselves with the decisions taken by their people.
With regard to the corruption taking place at municipalities, we might as well call it democratic looting of public resources, done by managers and ANC politicians. Out of 2 078 municipalities, only 11 received clean audits. What surprised us is that the President is happy about the 11 municipalities doing a good job, but there are hundreds that failed to achieve clean audits.]