Motlatsa-Mmusakgotla le maloko a a tlotlegang, mokgatlo wa ANC o netefaletsa baagi botlhe ba Aforika Borwa gore ga o ise o ikgatholose maikaelelo a ona a go tlisa botshelo jo bo botoka go botlhe, mme kgaogo e le nnye fela ya motlakase ga se yona e ka kgaolang kgolagano e e tiileng ya mokgatlho wa ANC mo baaging. Ke tshepa gore tshwetso ya puso ya ANC go neeletsa Eskom ka kadimo ya madi a a fokoditsweng e tla tswala bontsintsi jwa bomaratahelele melomo. Thulaganyo e e tla jaaka tshegetso ya puso go Eskom go netefatsa gore peeletso ya lephata la tlamelo ya motlakase le kgona go fitlhelela nngwe ya dipeeletso le tshireletsego ya tlamelo ya motlakase e e tibileng le kgwetlho ya motlakase mo nakong e telele.
Lefapha la Boset?haba la Matlotlo, National Treasury, le bone go le botlhokwa thata go itlhaganedisa kadimo e ya madi ya dibilione tsa diranta di le 60, R60 billion, mo ngwageng wa kgabagano e, bogolo thata e lebile go sireletsa seriti kgotsa maemo a Eskom a a fetogileng mme e bile a ka reteletsa Eskom go kgona go adima madi go tlaleletsa peeletso ya yona ya diporojeke tsa maatlafatso ya motlakase. Thebolelo e ya kadimo ya madi e rulagantswe jaana: Ka ngwaga wa 2008-09 re solofetse go bona puso e naya Eskom dibilione tsa diranta di le 10, R10 billion; ka 2009-10 e tla rebolela Eskom dibilione tsa diranta di le 30, R30 billion; mme ka 2010-11 e e neye dibilione di le 20, R20 billion.
Re le mokgatlho wa ANC re itumelela kgato e kgolo e, e e tserweng ke Lefapha la Boset?haba la Matlotlo, National Treasury, e e nayang Eskom sebaka sa dingwaga di le 30 go duela madi a kadimo. Re amogela seelo sa morokotso sa 9,4% se se tsamayang le kadimo e. Rona re se tsaya jaaka karolokgolo ya puso mo go netefaletseng badirisi tlamelo e e sa kgoreletsegeng ya motlakase go botlhe; baagi le bagwebi ka go tshwana. Re itumela thata ka gonne seo se tla tlisa tharabololo bogolosegolo ka e imolola tuelo e e kwa godimo ya motlakase go tswa kwa badirising.
Mo godimo ga moo, dintlhatumalano magareng ga Eskom le puso ke gore Eskom e tla simolola go duela kadimo eo ya madi fela fa seemo sa yona se sena go fetoga kgotsa go tokafala, le gona se bontsha fa e ka kgona go busa madi ao a kadimo. Go botlhokwa thata gore jaaka Maloko a Palamente re tswelele pele go baya leitlho le le nt?hot?ho mo tsamaisong ya matlotlo, bogolosegolo mo ditheong tsa rona tsa puso tse di ikemetseng, di tshwana le Eskom, go netefatsa gore diporojeke tse go dumalanweng ka tsona di a direga e bile ga di salele kwa morago le gore diabo tsa matlotlo tse di ntshitsweng di dirisediwa tiro ya tsona. ANC e dumalana le go fetisiwa ga Molao o. Ke a leboga. [Legofi.] (Translation of Setswana speech follows.)
[Ms N R MOKOTO: Deputy Speaker and hon Members, the African National Congress would like to assure all the citizens of South Africa that it has not given up its intention of bringing a better life for all, and that the minimal load shedding cannot interfere with the strong ties between the ANC and the people. I believe that the decision taken by the ANC government to lend money to Eskom will bring an end to all the gossip. This arrangement shows the government's support to Eskom, in order to ensure that the investment from the Department of Minerals and Energy that deals with the supply of electricity is accessible and safe, and the challenges that they face in the long term.
The National Treasury has deemed it ideal to expedite this loan worth R60 billion, from the previous year, especially when considering the protection of Eskom's image or integrity, which could make it difficult for Eskom to be in a position to make a loan in order to supplement it's projects for beefing up electricity supply. This loan has been planned as follows: in the year 2008-09 we expect to see the government giving R10 billion to Eskom; in 2009-10 it will allocate R30 billion; and in 2010-11 it will give R20 billion.
As the ANC we are happy with the huge step taken by the National Treasury, which gives Eskom a 30-year term to pay the money back. We give consent to the interest rate of 9,4% that goes with this loan. We consider it as the government's obligation to ensure the undisrupted supply of electricity to all; both the community and businesses equally. We are very happy because that will bring about a solution, especially as it provides relief to consumers with regard to their payments.
Furthermore, the terms of agreement between Eskom and the government are that Eskom will only begin to pay that loan when the situation has changed or improved, or when they are in a position to refund that loan. It is very imperative that, as Members of Parliament, we should continue to keep an eye on the management of funds, especially in parastatals, such as Eskom, to make sure that projects that were agreed upon are up and running; that they are not behind schedule and that all fundings are used for the intended purpose. The ANC supports the passing of this legislation. Thank you. [Applause.]]