Modulasetulo, ke kopa go dira tshisinyo gore:
Khansele:
1) e ele tlhoko kopano e e neng e tshwerwe kwa Ganyesa ka di 28 Lwetse 2008;
2) e amogela gore baemedi ba Porofense le maloko a Khansele ya Boset?haba ya Diporofense ba dirise puo e e tlhaloganngwang ke set?haba fa ba bua le sona;
3) e lemoga gore boidiidi jwa baagi ba Bokone Bophirima go tsenyeletsa banna, basadi, ba?wa le bana bo ne bo tlile ka makatlanamane go tla go reetsa le go tlhaloganya molaetsa wa puso mme fela puso ga ya fitlhelela maikaelelo a yona ka fa puo e e neng e dirisiwa koo, e ne e sa tlhaloganngwe ke baagi;
4) e kopa maloko gore fa ba isa Palamente kwa bathong, ba dirise puo e e dirisiwang ke baagi ba Porofense eo ka gale kgotsa ba nne le bafetoledi go thusa batho; le
5) e lemoga gore batho ba itumelela go utlwa puo e ba e itseng e bile go botoka go dirisa puo ya bona go na le go dirisa ya bodit?haba;
6) e amogela gore batho ba le bantsi ba itumeletse pitso eo. (Translation of Setswana notice of motion follows.)
[Ms K A KGAREBE: Chairpeson, I hereby give notice that I shall move:
That the Council -
1) notes the general meeting which was held at Ganyesa on 28 September 2008;
2) acknowledges that provincial representatives and NCOP members should take note of the language they use when addressing the community and should make sure that it is a language that the community understands;
3) notes that North West residents, including men, women, youths and babies came in numbers to listen to and understand the message of the government but that the government's objectives did not reach the communities due to their lack of understanding of the language used;
4) requests members when taking Parliament to the people, that they use the language predominantly spoken in that particular province or that they use interpreters for the people;
5) realizes that people enjoy hearing the language they understand and that it is better to use one's own language than a foreign, unfamiliar language; and
(6) acknowledges that many people are grateful to Parliament for that gathering.]