Modulasetilo, tota go a gakgamatsa e bile go a swabisa, gore morago ga dingwaga di le some le boraro tsa temokerasi re be re sa ntse re bua ka ntwa kgatlhanong le tshotlako ya bomme le bana. Go bonala tota gore go na le batho, bogolo borre, ba ba gaisiwang ke diphologolo. Ga go na phologolo epe e tonanyana e e ka lwantshang e e namagadi kampo ngwana wa yona. Ke rona borre fela re dirang jalo.
Ka na tota molao o sa le o tswa kwa Modimong ka osi fa o re: ``banna ratang basadi ba lona, basadi tlotlang banna ba lona, bagolo ratang bana ba lona. Kana go ne go sa tlhokege gore batho ba direlwe melao ya go tlhokomela bomme le bana. Botho ke jona bo tshwanetseng go ba ruta. Fa botho bo leng teng, re ne re tshwanelwa ke go bua ka malatsi a ngwaga otlhe, ke gore a le 365, gonne letsatsi le letsatsi mosadi le ngwana ba sotlwa ka mekgwa e e farologaneng.
A le rona re le Ntlo e e tlotlegang e, re nne dikai, re seka ra tswa batlhanka ba mafoko a rona ka go sotlaka malapa a rona. Tota batho kampo banna ba ba ganang go utlwa ka ditsebe fa ba bolelelwa ba tshwanetse go utlwa ka letlalo; ke gore ba bidiwe. A e re mo malatsing a a khunologo go tswa mo ditirong tse di farologaneng, borre botlhe ba nne tshegofatso mo go bomme le bana ba bona. Ke a leboga. (Translation of Sesotho speech follows.) [Mr B E PULE: Chairperson, really it is surprising and disappointing that after thirteen years of democracy we are still talking about the fight against woman and child abuse. It is clear that there are people, especially men who are worse than animals. There is no male animal which abuses a female animal or its young. Only us; men are doing that!
Indeed, the law came from God: "husbands love your wives, wives respect your husbands". There was no need to enact laws for the people in order to protect women and children. Humility should teach them. If there was humility, we were supposed to talk each and every day of the year - 365 days, because women and children are abused daily in different forms.
As members of this House, let us be good examples. Let us not do the opposite of what we preach by abusing our women and children. People or men who do not listen, should feel the pinch by being given a hiding. During our holidays free from our different work commitments, let all men be a blessing to their wives and children. I thank you.]