Modulasetilo le Ntlo e e tlotlegang, go tswa mo lekokong la ANC le le eteletseng puso e pele, re dira boikuelo mo Ntlong e, gore e amogele Molaotlhomo o wa Kiletso le Kganelo ya Tiriso ya Ditlhabano, Marumo, Dithuthupi le dingwe tse di ka dirang gore motho a foufale, le fa e ka nna go golafala, mme e se lesole e bile a sa amege ka gope mo dintweng.
Maikaelelo a Molaotlhomo o, ke go sireletsa ka kakaretso batho botlhe kgatlhanong le ditlamorago tsa ntwa, e bile re le Repaboliki ya Aforika Borwa, ka re dirisana mmogo le mafatshe a bodit?haba, re pateletsega go tlotla melawana ya bodit?haba e e saenetsweng. (Translation of Setswana paragraphs follows.)
[Mr M S MOATSHE: Chairperson and august House, as government led by the ANC, we appeal to this House to adopt the Prohibition or Restriction of Certain Conventional Weapons Bill, and prohibit other explosives and weapons which can cause blindness or disability of a person even though that person has not been a soldier or was not involved in any war activities.
The aim of this Bill is to protect all people in general against the consequences of war, and as the Republic of South Africa we have to live up to our diplomatic obligation as international relations laws dictate.]
The Republic is committed to accede to the Convention on Prohibitions or Restrictions on the Use of Weapons Which May Be Deemed to be Excessively Injurious or to Have Indiscriminate Effects.
The South African citizens who may be found to have committed an offence in terms of this Act may be tried by a court of the Republic of South Africa. Again, a person who is a permanent resident, as contemplated in the Immigration Act of 2002, may be tried by a court of the Republic.
Motho mang kapa mang yo a nang le kgolagano e bile a ikwadisitse jaaka moagi wa Aforika Borwa o tla otlhaiwa ke kgotlatshekelo ya Aforika Borwa fa a ka fitlhelwa a dirisitse gongwe a tshotse dithuthupi tse di kailweng di le kotsi go batho ba e seng masole, go sa kgatheletsege gore o dirisa dibetsa tse a le kwa mafatsheng a kwa ntle ka go ithaopa le fa e le ka ditaelo tsa mafatshe ao.
Re lemoga gore go mafatshe mangwe a dibetsa tse re buang ka tsona tse di sa ilediwang, e bile di bonwa jaaka tse di se nang kgoreletso kgotsa molato - mafatshe ao e bile a sena kgolagano epe le Repaboliki ya Aforika Borwa - fela fa o le moagi wa Aforika Borwa o fitlhelwa o tshwere dibetsa tseo kwa mafatsheng ao, ga o kitla o falola. O tla di gama o sa di tlhapela.
Fa moagi wa kwa ntle ga Aforika Borwa a ka fitlhelwa a tshotse ditlhabano tse di ileditsweng, e ka nna kwa mawatleng, boemafofane gongwe mo gare ga naga ya Aforika Borwa, kgotlatshekelo ya Repaboliki e tla tsaya kgato kgatlhanonong le motho o o ntseng jalo.
Fela fa motho wa kwa ntle ga Aforika Borwa a ka etela Repaboliki a dirisitse dithuthupi gongwe dibetsa tse di ileditsweng ke Repaboliki kwa nageng ya gaabo, mme lefatshe la gaabo le sena kamano le Aforika Borwa gongwe e se karolo ya maikano a go fedisa ditlhabano tse di ntseng jalo, gona Repaboliki e tla tshwanelwa ke go busetsa motho yo o kwa nageng ya gaabo.
Re bone ka 28 Phatwe 2007 dithuthupi tse di setlhogo tseo, di gaila baagi ba ba se nang molato kwa Hyderabad, borwa jwa India. Go kailwe fa go dirisitswe sediriswa sa khemikhale se se bidiwang neogel. Ke dingwe tsa dilo tse re buang ka tsona. Go tlhokafetse batho ba e seng masole ba le 40, mme ba le 80 ba tswa dikgobalo tse di siisang mmele. Ke ka fao ANC e itirelang boikuelo gore go amogelwe Molaotlhomo o, gore go nne le kagiso mo lefatsheng ka bophara. ANC e amogela Molaotlhomo. Ke a leboga. [Legofi.] (Translation of Setswana paragraphs follows.)
[South African courts will take punitive action against anybody who has diplomatic relations and has registered as a South African citizen if they are found with explosives classified as dangerous to people who are not soldiers, regardless of whether he or she used these weapons voluntarily in a foreign country or used them with instructions from that country.
We are aware that there are countries where these weapons are not illegal and are not seen as dangerous or injurious, and some of these countries that do not even have diplomatic relations with the Republic of South Africa. But if you are a South African citizen and you are found in possession of these weapons in those countries, you will face the might of the law.
If a foreign citizen is found in possession of illegal weapons, be it at the beach or an airport, or inside South Africa, a South African court will lay a charge against the said person. But if a foreign citizen visits the Republic and is found to have illegally used explosives or weapons prohibited in South Africa, and his country of origin has no diplomatic relations with South Africa or his country is not a part of the declaration to eradicate such weapons, South Africa will have no choice but to extradite such person. On 28 August 2007, we saw these dangerous explosives killing innocent people in Hyderabad, south of India. It is said that a chemical called neogel was used. These are some of the things that we are talking about. About 40 civilians died, and 80 were seriously injured. We as the ANC therefore make an appeal that this Bill be passed, so that there can be peace in the whole world. The ANC supports this Bill. Thank you. [Applause.]]