Ke a leboga, Mmusakgotla. Mo letsatsing le la gompieno la lefatshe lotlhe la bana, re tshwanetse go tsepamisa megopolo ya rona mo go tshwaraganeleng go ba direla isagwe. Seane sa motswana sa re; kgetsi ya tsie e kgonwa ka go tshwaraganelwa.
Kgwetlo e tona e re lebaneng le yona ke ya go fedisa leuba mo lefatsheng la rona le kontinente ya Aforika, ntswa re tshwanetse go tswaragana le lefatshe lotlhe tota. Dintwa tsa go lwela maemo di kgoreletsa kgolo ya moruo. Lebelela jaaka tlala e tsene kwa Zimbabwe ka ntlha ya go diiwa ke dintwa. Lebelela Repaboliki ya Congo jaaka le yona e batla go diiwa ke dintwa kgotsa re tloga re lebelela Aforika Borwa jaaka e batla go lwa e lwela gore Moporesidente e tla nna mang.
Ee, re tshwanetse go tshwenyega mme ga e a tshwanela gore e nne sone fela se se nnang mo megopolong ya rona. Re tshwanetse go lebelela gore set?haba ka bophara se na le mathata a eng gore re tle re fedise leuba. Leuba le ka fedisiwa ka go tlhola ditiro, ka go rotloetsa bana go ithutela dithuto tsa seteginiki sa gompieno gore le bone batle ba kgone go itshedisa, ba fedise leuba.
Mafatshe a a humileng le ona a tshwaraganele leuba le rona go beeletsa mo lefatsheng la rona le le humanegileng. Mafatshe a a humanegileng le ona a sekaseke melao ya badiri gore e kgone go rokotsa kgatlhego go tswa mafatsheng a humileng gore batle ba tlhole ditiro.
Bana ba rona ke mpho ya botlhokwa e re e tsayang mo Modimong. A re ba direleng boswa ka go fedisa leuba. Mme re ka dira fela jalo fa re tshwaraganetse kgetsi ya tsie. Ke a leboga. (Translation of Setswana speech follows.)
[Mr B E PULE: Thank you, Madam Speaker. Today is International Children's Day, we must focus on working together towards the future of our children. There is a Setswana proverb that says two hands are better than one.
The main challenge we are facing is to eradicate poverty in our country and on the African continent. However, we have to work together with the whole world. The fighting for positions affects the growing of the economy. Just take a look at Zimbabwe; there is a lot of poverty because of the ongoing wars. Or shall we say: Look at South Africa, they are about to fight for the position of who will be the next President.
Yes, we must be worried, though this is not supposed to be the only thing that worries us. We have to take a look at the problems of the whole nation in general in order for us to eradicate poverty. Poverty can only be eradicated by creating jobs, encouraging children to study today's technologies in order for them to be able to fend for themselves.
The First World countries also work together with us in this fight as they are investing in our country. The Third World countries are examining the labour laws so that they can lure the interests from the First World countries so as to enable them to create jobs.
Our children are important gifts from God. Let us create a better future for them by ending this war. We can only do that by working together.]