TONA YA LEFAPHA LA TSA MERERO YA SELEGAE: Mmusakgotla, maloba ke ne ke bua le baagi ba kwa Limpopo ke ba raya ke re ba seka ba dumela fa batho ba bua le bona ba apere dikipa tse ditala, ba leka gore ba belaele se mmuso o wa ANC o se dirileng mo Aforikaborwa. [Legofi.] Gape ba seka ba dumela go tshikingwa ditlhogo ka go bolelelwa gore Kapa e botoka. Ke ba boleletse jalo ka gonne bontsi ba bone ga ise ba etele kwa Khayelitsha; ga ba itse kwa Nyanga; ga ise ba bone kwa Langa; ga ba itse gore kwa Franschhoek batho ba bantsho ba nna fa kae. Ga ise ba ye kwa magaeng a kwa Kapa gore ba bone gore a bontle jo go buiwang ka bone bo gona na. Ke ba kopile le gore fa ba batla go bona tiro e ntle, ba etele kwa Gauteng le kwa Ikageng ba ye go bona gore re dirile eng re le mmuso wa ANC. Ba se ka ba dumela ope go tshameka ka ditlhogo tsa bone.