Jaanong, fa motho a buisa tsamaiso eo, ga twe puo e e tswang mo malokong e tshwanetse go amana le tiro ya Ditona, fela bangwe ba ntsha dilo tse dintsi. Ba bangwe ba bua ka go ya toropong go ya go reka malomo, ga ke itse gore seo se amana jang le tiro ya Ditona. [Setshego.] Jaanong, ke kopa gore o re thuse gore mongwe le mongwe a tsepame mo tirong e re boleletsweng gore e tlile go dirwa mo Ntlong e.