Mmusakgotla, ga ke kgone go araba motho yo o ileng kwa Mosireletsing wa Set?haba. Ga se selo se nka se tlhagisang mo Ntlong e ka gore ke tiro e re sa ntseng re e dira le babueledi ba re dirang le bona mo lefapheng le ke dirang mo go lona. Ke batla gore leloko le le tlotlegang le le buileng ka se se dirisanang le tsa selegae, le itse gore ke tiro e re sa ntseng re mekamekane le yona, e re tla e dirang sentle fela fa motho a tla mo lefapheng la me, a tlisa pampiri e e tladitsweng sentle, a batla se re ka mo thusang ka sona re le Lefapha la Merero ya tsa Selegae, re tla mo thusa. Mme fa a tla fela a re, "Ke sa me, mpheng mpheng." Ga nkitla ke kgona. Ga ke batle go bua ka seo gompieno.