Minister, they say respond in isiXhosa.]
TONA YA METSI LE MERERO YA TIKOLOGO: Mme Motlatsa-Mmusakgotla, ke bua jaana ka Setswana se se tlhapileng ka re: Ke ne ke sa itekanela mo mmeleng mme go ntse jalo. Ga re rwalarwalege go ya kwa bokgakala jo bo jaaka kwa De Aar mme o sa itekanela mo mmeleng. Ke seo ke se buileng. Mme gape kare, dikgang tse go buang ka ga tsona tseo ke rile Mme Zikalakala o tlhalogantse sentle fa ke ne ke re o batla go utlwa ka neelano ka ditirelo mme eseng ka ga bolwetsi jwa me. Ka neelano ya ditirelo ke tlhalositse gore ke tla dira eng. Leloko le tshwanetse go reetsa ka tlhoafalo, mme le utlwe sentle. Ke buile ka tsona gona jaanong jaana, bagaetsho. [Legofi.] (Translation of Setswana paragraph follows.)
[The MINISTER OF WATER AND ENVIRONMENTAL AFFAIRS: Madam Deputy Speaker, let me clarify this by saying: I was not in good health at that time. We cannot go to faraway places like De Aar when we are not in good health. That's what I said. Also on that, I thought the issues raised were clearly understood by Ms Zikalala when I said she wants to know about service delivery instead of my illness. I have explained what I'm going to do regarding service delivery. The honourable member has to listen attentively and hear things clearly. I just spoke about those things now. [Applause.]]