Ke a leboga Modulasetilo, Tona ya Lefapha la Tirisanommogo ya Puso le Merero ya Setso, Motlatsatona, Maloko a mantle a Palamente, ke a le dumedisa.
Ke kopa o ntetle gore mo puong ya gompieno ke akgole ba?wa ba naga rona ya Aforika Borwa, ditawana tsa African National Congress fa kgwedi ya bona ya Seetebosigo e ya fifing. Mo metseletseleng ya bona e ba e dirileng mo kgweding e ya Seetebosigo go ipontshitse gore ... (Translation of Setswana paragraphs follows.)
[Ms S R TSEBE: Thank you, Chairperson. Minister for Cooporative Governance and Traditional Affairs, Deputy Minister, hon Members of Parliament, I greet you all.
Allow me to congratulate the youth of South Africa, the young lions of the African National Congress, as June is their month, although it is coming to an end. It is in these campaigns that they held during June that they have shown that ...]
...they are ready; they are equal to the task of defending the revolution, defending the gains of the democratic revolution.
Mo malobeng lefapha le ntshitse thebolelo ya bona ya tekanyetsokabo mo komiting e e maleba. Re dumelane ka bongwe fela jwa pelo gore re dumelana le yona fela go na le dintlha tse di rileng tse re naganang gore lefapha le di tseye tsia. Dintlha di tshwana le tse di latelang. (Translation of Setswana paragraph follows.)
[In the past, the department presented its Budget Vote to the relevant committee. Although we accepted it, there are certain aspects that we feel need the department's attention. These aspects include the following.
On the systems and capacity-building ...
Tona Shiceka - ke antse letseleng. Go botlhokwa gore go nne le ditogamaano tse di maleba kgotsa re tlhabolole tse di leng teng mo lefapheng gore re kgone go itepatepanya le dikgwetlho tse di lebaganeng lefapha. Jaaka Moporesitente mo puong ya gagwe a ba neile taolelo e e okeditsweng gore ba lekane le tiro. Fa tekanyetsokabo e e ka se diragatswe ka tshwanelo ga go kitla go supiwa Motsamaisi wa Lefapha Rre Shiceka, ebile ga go kitla go supiwa Motlhankedimogolo wa tsa Matlotlo ka monwana. Ka jalo semelela ka thata, ikemise ka dinao gonne pela e tlhokile mogatla ka ntlha ya go romeletsa. Dirisa mokgwa wa tiragatso gore tekanyetsokabo e e diragale go ya ka fa dikgatlhegong tsa batlhophi.
Batho ba buile ba re tokomane e ya maikano a ditlhopho ya ANC ke yona e e tla busang mo dingwageng di le tlhano tse di tlang, go mo matleng a gago.
Moporesitente mo tokomaneng ya gagwe ya malatsi a tlhola a le robedi a Ferikgon g ya monongwaga ya African national Congress o rile ke a mo nopola. (Translation of Setswana paragraphs follows.)
[Minister Shiceka - it is my mother tongue. It is important to either have the relevant strategies in place or to improve on those that the department has so that we can be able to deal with the challenges facing the department. The President, in his speech, gave them an extended order that they should measure up to their work. If the budget is not used accordingly, neither Minister Shiceka nor the Minister of Finance should be blamed. That means you must work hard to ensure that the budget is used in the interests of the voters.
People have indicated that the manifesto of the ANC will be the one governing in the next five years - that's your power.
The President, in the ANC's January statement this year, said, and I quote:].
An important aspect of a successful developmental state is the capacity of public servants to execute the task with which they have been entrusted. This means that the right personnel should be placed in the correct positions. Where this is not the case, government should implement corrective measures through training and redeployment if necessary or where warranted.
To the hon member from the DA: It is not that a person must be a member of the ANC; she must just be equal to the task. [Applause.]
I believe that there are systems in place in order to address areas such as capacity-building and improvement of the system, but, hon Minister, we really need to improve in the areas of implementation, monitoring and accountability.
Mo matlhong a set?haba, go sa kgathalesege gore tsela e e yang kwa seolong kgotsa e e yang kwa Mabiskraal e tshwanetse e tshelwe ke mang sekontiri, a ke N4 kgotsa N1, batho ga ba na kgatlhego se ba se batlang ke sekontiri. Ga ba batle go itse gore ke puso efe, dimasepala di rwala mathata. Ka jalo a re rupeleleng dimasepala tsa rona gore di kgone go dirisana le baagi. (Translation of Setswana paragraph follows.)
[As far as the public are concerned, it does not matter who is responsible for tarring the road to Mabiskraal - whether it is N4 or N1 - all they want is a tarred road. They do not even want to know which sphere of government is responsible for that. It is therefore imperative to capacitate municipalities to help them to be able to deliver this to the communities.]
Let's take more resources, capacity-building and skills training to municipalities, because ...
...ke kwa ditiragalo di diragalang teng. [... that's where it matters the most.]
The failure of the local sphere is the failure of the government as a whole. Hon Minister, putting systems in place to curb corruption and instances of maladministration have gone some way towards achieving the objectives, but more still needs to be done. We need to speed up the reform of systems, develop capacity-building and also put in place clear monitoring systems. It is a worrying factor to note that, despite challenges in the area of systems and capacity-building, there was an average spending of 33,9% on this allocation between 2003-04 and 2006-07. The department would do well to appraise this now in its turnaround strategy to ensure that funds allocated for this important function are utilised with maximal benefit. I know that you are equal to that task, Minister.
On disaster management ...
...re akgola lefapha ka go tlhoma ditheo tsa tsamaiso ya matlhotlhapelo mme ra re go lefapha re ka itumela thata fa didika tsotlhe tsa rona mo Aforika Borwa ka bophara, di ka nna gona mo bommasepaleng ba rona ba dikgaolo gonne ke kwa matlhotlhapelo a bonagalang teng. Ke tsona diofisi tse di gaufi le batho fa go na le matlhotlhapelo.
Jaaka re bone kwa Taung kwa Bokone Bophirirma le kwa Cacadu go nnile le mathata fa go ne go na le matlhotlhapelo mo mafelong ao le tse dingwe tse di fetileng mo go ntsheng madi go ya go thusa.Re bone dipuso tsa bogareng di ne di leka ka fa di ka kgonang ka teng fela go ne go tlhaela fale le fale, ke ka moo re reng go maleba gore o kopane le komiti e e ikarabelang ka tsa madi a set?haba go bona gore go na le tswelelopele mo ntlheng e. (Translation of Setswana paragraphs follows.)
...we congratulate the department on its establishment of centres of disaster management to deal with the disasters. Furthermore, we are saying to the department that we would be pleased if the department would establish these centres throughout South Africa; the municipalities should be involved in this initiative since disasters are common in those areas. These centres are the only ones nearest to the people where there are disasters.
We have looked at Taung in the North West, at Cacadu and at all the other areas which experienced disasters. We noticed the government trying to help even though there were shortages here and there, hence we recommended that you meet with National Treasury to establish if there is any progress on this matter.]