Deputy Speaker, thank you, Minister, I know it is a contrast between the two departments, the Department of Environmental Affairs and the Department of Water Affairs; the other one is doing very well and the one is doing terribly bad. The department has been receiving disclaimers from the Auditor-General for a few consecutive years now.
The construction of the dams is poorly managed, the Public Finance Management Act, PMFA, has been flouted by the department, and section 43(2)(4c) and section 93(4b) has seriously been violated. An amount of R8,6 million was wrongly transferred without following the PMFA. The question is: What is the Minister going to do to correct this situation so that this does not continue and how will he ensure that the PMFA is strictly enforced at all levels in the Department of Water Affairs? Thank you.
TONA YA MERERO YA METSI LE TIKOLOGO: E kete re ka bo re bapisa mafapha a mabedi ano gore re tle re tlhaloganye gore tiro e e dirwang ke lefapha leno la metsi e kwa godimo go feta eno ya lefapha la tikologo. Re a itumela ka tlotlo eno e e neelwang lefapha le le dirang sentle leno mme fa re bua ka leno la metsi; sa ntlha, re a amogela gore go na le mathata ao a neng a ntse a le teng, segolobogolo mo go tsa mafaratlhatlha a matamo, a diporogeramo di tshwana le tse mme a sa tswang go bua ka tsona.
Jaanong se re se dirang ke seno, re a itse gore go na le mafaratlhatlha a tshwana le matamo a kwa Nandoni a e leng gore dipeipi tsa yona di ne di sa bewa sentle mo makgetlong a le mabedi. Re bua jaana, ke ne ke le kwa Nandoni le kwa Nwamitwa maabane. Ke ne ke ya go leka go sekaseka mekgwa e re ka e dirisang go siamisa mafaratlhatlha ano. Mme mo gare ga tse dingwe tse re di dirang ke go fokotse nako ya tsamaiso ya go dira ditshiamiso mo mafaratlhatlheng ao, sekao, go ne go tla nna tshiamiso ya dipeipi tseo, go di tsenya ka sebaka sa dibeke di le 40. Re se sobokantse gore se fokotsege se ye kwa halofong ya nako gore batho ba rona ba kgone go nna le metsi ao a a botlhokwa. Mafaratlhatlha a mangwe ao a neng a abetswe madi a a tshwanang le ona a mme a buang ka ona; dimilione di le R230, eo e neng e abilwe go sa siama ka lenaneo le le sa siamang.
Go matshwanedi gore re begele Ntlo eno bothata jono jwa gore ditekanyesokabo tsa rona di bo di sa tsamaisane ka mananeo le ka ditatelano, bogolosegolo mo go tsona tsa mafaratlhatlha.
Re ntse re siame, re siamisa dilo tseo; rona, botsamaisi le badiri ba lefapha la rona; tsa tiro le kabo ya dit?helete go tsenyeletsa le ditiro tsa tsamaiso. Mathata a a ntseng jalo re a arabela ka gore re thapile, e seng bagakolodi bagaetsho, re thapile komiti e mongwe le mongwe wa yona a ikemetseng ka boena ka bokgoni jwa gagwe gore ba tle ba dire ka bongwe ka bongwe; yo mongwe a tlise bokgoni jwa gagwe, e e bidiwang tebelogape ya tsamaiso ya tsa kgwebo. Ke e begile kwa komiting gore le bona ba re thuse - mongwe le mongwe a lebile gore o tla kgona go re a lere kitso ya gagwe go thusana le botsamaisi.
Komiti eo e setse e bontshitse, manontlhotlho, tota gore go na le se re ka se siamisang le dilo tsotlhe tse re ka di siamisang mo mathateng a re nang le ona. Ga se tseo fela, lenaneo la rona le le telele le go leba melao e mengwe e e ka re kgontshang. Nako e khutshwane gompieno gore nka bua ka yona yotlhe, re tla boela gape mo komiting go tla go bua tsotlhe tseo le gore re di siamisa jang. Ke a leboga. (Translation of Setswana paragraphs follows.)
[The MINISTER OF WATER AND ENVIRONMENTAL AFFAIRS: I would like us to compare the two ministries within the department so that we will be able to understand that this ministry of the Department of Water has more work done than the Department of Environmental Affairs. We are pleased with the recognition bestowed on this department that is performing well. When we talk about the Department of Water, we firstly agree that problems existed especially with regard to the construction of the dams and programmes that the hon member has just spoken about.
We are all aware that pipes were incorrectly installed on two occasions during the construction of dams like the one in Nandoni. As a matter of urgency, I went to Nandoni and Nwamitwa yesterday to try to examine the ways in which we can rectify these mistakes in those constructions. We are busy trying to shorten the period needed to rectify these faulty constructions. For example, it was supposed to take about 40 weeks to rectify the installation of those pipes. We have reduced this into half of the initial period expected to complete the work so that our people can have water, which is a necessity. Some of the constructions were unreasonably allocated an amount of R230 million that the hon member has been talking about. It is important that we report to this House the problems we are faced with in our budget allocations, which are not in accordance with the priority as per our programmes, especially in relation to these constructions. We are addressing this: Our managers, the employees of our department, those in the National Treasury, including those in the District Municipality, are working together to rectify these things. In responding to these challenges, we can simply say that we have secured the services of a committee that is not only providing an advisory support, but also has independent experts who bring on board their skills in reviewing the way we do our business. I have reported the problems to the committee so that they can assist us by roping in their expertise into management.
This committee has already shown its excellence in providing solutions with regard to the problems that we are faced with. These are not the only challenges; our programme is broad and we have looked at other alternative solutions that will assist us. Unfortunately, we have a short period that does not allow us to address all these challenges. We will come back to the committee so that we will be able to talk about all of them. Thank you.]