Modulasetilo, ke tshisinya kwa ntle ga kitsiso:
Gore Khansele-
1) e tseye tshweetso ya go pateletsa le go rotloetsa Lefapha la Basadi, Bana le Batho ba ba nang le Dikgwetlho go tlhokomela mafelo a a tlhokomelang batho ba ba nang le dikgwetlho le go ba rebolela ka ledi; gape
2) jaaka Lefapha la Tirelo ya Dikgopololo le kgona go tlhokomela babeteledi, disenyi le dirukgutlhi le go ba fepa ka dijo bosigo le motshegare, re le lekoko re tshitsinya gore gonne le mafelo a tshireletso le gore a agiwe le go tlhokomelwa ke puso.
Ke tshitsinya seno.