Modulasetilo, ke kopa gore o ntemose nako ya me ke kgone go itse gore e tsamaya jang ... [Tsenoganong.] Ke kopa sentle. Motl Modulasetilo, ke kopa gore o ntemose nako e ke e neetsweng ke batla go simolola ka ngangisano ya me. Ke a leboga. Ke a lo dumedisa. Lo rata gore re na le kgatlhego e e feteletseng ka ANC, mme ga lo bone gore le lona le na le kgatlhego eo ka EFF.
Tona, ke kopa gore jaaka lo tle lo fe batho diphasele tsa dijo, lo dire seo gape le ka makwaloitshupo. Nna ke tswa kwa Kapa Bophirima, kwa Kuruman, ga Motlharo, e leng karolo e e humanegileng thata. Ke itse ka fa batho ba sokolang thata ka teng ka Lefapha la Merero ya Selegae, ka jalo ke kopa gore lo tiise mo go direleng batho. [Tsenoganong.] Ga ke re kantoro ya lefapha ga eyo; didimala ke a bua! (Translation of Setswana paragraphs follows.)
[Ms N P MOKGOSI: Chairperson, please tell me how much time is allocated to me so that I can time myself. [Interjections.] Deputy Chairperson, please tell me how much time is allocated to me so that I can start with the debate. Thank you. I greet you all. You keep on saying we are obsessed with the ANC but you fail to realise that you have the same obsession with the