O a bua mmarona, Modulasetilo, motlatsatona ntate Johnny de Lange, le badirammogo, Modulasetilo ke kopilwe gore ke bue ka dintlha tse di rileng mo Molaotlhomong o re nang le ona fa pele ga rona gompieno. Molaotlhomo o re nang le ona mo pele ga rona o tla morago ga gore ka 1994 re bone kgololosego ya rona. Ga re bona kgololosego e ya rona, dintlha dingwe tse di botlhokwa tse di tlhagelelang mo Molaotheong wa rona ke tse di reng re na le tshwanelo ya "freedom of association" ka puo ya seeng. Jaanong batho ba bangwe fa ba bona metheo e e botlhokwa e e leng pilara ya Molaotheo wa rona, makoko kganetso ba ne ba nagana gore ba ka e tsaya ba e dirisa go koafatsa African National Congress.
Re tla gopola gore Molao o, o o leng fa pele ga rona, batho ba ba neng ba eme ka dinao ba o batla e ne e le DP e e leng gore e tlhatlhama DA. Mo dikakanyong tsa bona fa ba ne ba bua ka Molao o gore o nne teng, ba ne ba re rona maloko a ANC re diaka, ba ne ba akanya gore re diaka. Ba nagana gore ga Molao o o le teng re tla ngala re tswe kwa ANC re ye kwa go bona. Ba ne ba nagana jalo. Maitlhomo mogolo a bona e ne e le go koafatsa ANC le gore temokerasi e ya rona e seka ya gola, e nne bokoa, ka gore fa o koafaditse ANC o tla bo o koafaditse bagaka ba ba netefaditseng gore batho ba ga rona ba nne le kgololosego e re nang le yona, ba ne ba akanya jalo.
Se se diregang ke gore fa re ntse re tswelela ba lemogile gore se ga se a ba tswela mosola. Jaanong e bo e nna bona ba fetogang batlhanka ba mafoko a bona. Jaanong ba re Molaotlhomo o, o fedisiwe ka gore ke maloko a bona ga ba na marapo a mokotla, ga ba ikanyege. Ba simolola jaanong ba tlogela makoko a bona ba ya go ikwadisa le mokgatlo mme re dira pharologanyo magareng ga Makoko le mokgatlho ba tlogela makoko ba a go join mokgatlho ka gore bosigo bo boneng bo le mo matlhong a bona bo ne bo apogile jaanong ba bona fa nnete e leng teng. Fa ba lela, baagi ba Aforika borwa ba tlelwa ke dikakanyo tsa gore seno ga se tiise temokerasi bogolo thata set?haba mme re lwetse temokerasi, fa set?haba se ne se tlhagisa dintlha tsa bona. (Translation of Setswana paragraphs follows.)
[Mr A L MOSEKI: You said a mouthful. Chairperson, Deputy Minister Mr Johnny de Lange, colleagues, I've been asked to speak about certain points in the Bill before us. This Bill came into effect after obtaining our freedom in 1994. It is mentioned in our Constitution that we have a right to freedom of association. The opposition parties looked into these important principles, which are the pillars of our Constitution and thought they could use them to weaken the African National Congress.
We still remember that the Bill before us was tabled by the DP, the predecessors to the DA. When they tabled this Bill, they thought that our members would not be loyal and thought that we would get angry and leave the ANC to join them. Their main objective was to weaken the ANC and not to expand our democracy, because weakening the ANC would have weakened the valiants who ensured that our people became free.
However, in the process they realised that this was not working for them as we made them eat humble pie. Now, they want this Bill to be abolished, because their members are not loyal as they are joining other parties. It is now that they realise where the truth lies. When they complained, the people of South Africa raised their views and realised that this thing does not enhance the democracy that we fought for, especially the nation.]
It was not about the strength of the ANC, it was about the fact that you need a very vibrant democracy and that a vibrant democracy ...
... o tlhoka le ona makoko a neng a simolola a felela gore bonnye ba nne le lentswe le rileng ba bue. Jaanong ka gore re mokgatlho wa batho re ANC, re reeditse dikgatlhego le dikakanyo tsa batho, mme tla ke go gopotse ntate Watson le ntate Worth gore Molao o o re buisanang ka ona gompieno, ke mongwe wa di thulaganyo tse di lebisitseng kwa kongereseng ya kwa Polokwane. Ga ba ema fa ntate Le Roux, jaaka ntate Mack ke gore re nne re leboga gore dilo dingwe tse dintsi tse di dirilweng ke kopano eo, ke dilo tse di botlhokwa tota go tiisa temokerasi ya rona, re nne re leboga ntate Watson, re nne boikanyego mo bathong ka dilo tse di ntseng jalo.
Re le mokgatlho wa batho, re netefaditse gore temokerasi e nna teng re dumalane le dikakanyo tseo tsa batho mme re be re re ga gona rrapolotiki yo e leng gore wa itlotla, o tlotla batho ba a buang gore wa ba emela, o a tshwanetseng gore a itshole jaaka seaka, nako le nako a lebeletse dikgatlhego tsa gagwe fela le baki ya gagwe gore o apara eng, a sa labelela dikgatlhego tsa batho baga rona. Borradipolotiki ba ba ntseng jalo ntate tsweetswee, ga di na nnete waitse, ga di a tshwanela gore batho ba ga rona ba di tseye ka tlhoafalo borradipolotiki ba ba ntseng jalo. Ke batho ba e leng gore ba re "ga fela nna ke na le sengwe se ke se tsentseng mo kgetseng, go siame ga ke kgathale gore ope a reng, mara ka nako e rileng ke tla boela kwa bathong ba, ke re mpouteleng gape, ga ba sa dire jalo, nna ke tla iponna tsela".
Molao o, o re buisanyang ka ona, o ne o dira dilo tse, o ne o letlelela mokgwa o maswe o le gopola ntate Thetjeng, e ne e le lona le neng le o batla Molaotheo oo, re rata gore jaaka ANC, re re jaaka re tsere tshweetso kwa Polokwane gore re batla gore temokerasi ya rona e nonofe e tie, molao o o na le kemonokeng e e feletseng ya ANC. Ka mantswe a Modulasetilo, ke a leboga. (Translation of Setswana paragraphs follows.) [... also needs small parties so that at least they too have a word. We, the ANC, are the people's party; we listened to the interests and views of the people. May I remind Mr Watson and Mr Worth that the Bill before us today articulates core views that led to the Polokwane resolution. As they stand before us, Mr Le Roux, just like Mr Mack, we should be thankful for the important things that the congress did to enhance our democracy, and we would also like to thank Mr Watson, and be honest with the people about such things.
We, the people's party, ensured that for our democracy to exist, we must align ourselves with the views of the people. And we say that there is not a politician, who respects himself or herself and the people, who can claim to represent them, but who behaves like a prostitute every time by looking after his or her own interests and being more concerned about what jacket he or she wears, and not looking at the interests of our people.
Such politicians, Mr Thetjeng, are hypocrites, and our people are not supposed to take them seriously. They are the kind of people who say, "As long as I have something in my pocket, it's fine and I don't care, but at a certain time I will go back to the people and ask them to vote for me; if they don't, I'll see how I will sort myself out". The Bill we are debating allowed such things to happen and remember, Mr Thetjeng, you were the one who wanted this Bill. Now, as the ANC, we would like to make our position known as part of the resolution we took in Polokwane, which is to improve our democracy. The ANC completely supports this Bill. Thank you.]