Chairperson, I'm not sure to what degree this arises from the adjustments appropriation. But let me start by saying ...
... Ntate Boinamo, kgantele o beile kitso ya gago mo pele ga Ntlo e. Ke maswabi ka gore ga wa batla kitso pele o tla mo Ntlong e tona e. O tshwanetse gore o mpotse pele gore a dilo tse o di buisang mo makwalodikgannyeng ke nnete kgotsa nyaa gore ke go thuse go bua nnete fa o tla mo Ntlong e. Selo sa go baakanya dikolo ga se dirwe ka madi fela. Jaaka o buile re tshwanetse gore re nne le batho ba ba dirang le rona ba ba itseng tiro ya bona tota. Re leka go tsenya batho ba ba itseng tiro. Gape re leka go thusa batho gore le bone ba nne le kitso e e ba thusang gore ba kgone tiro ya thuto. Se re se dirang ke go nonofisa Baofisiri ba Dikgaolo. Ke setse ke buile ka seo makgetlo a mantsi mo Ntlong e. Re dirisana gape le barutabana. O itse lenaane-tsamaiso tlhabololo la rona le barutabana. Totatota re leka go nna le batho ba re ba thapang ba ba itseng tiro ya bona.
Se re se kopang ke gore le rona re le mo Palamenteng re dirisane le batsadi, barutabana le bana ba rona gore mongwe le mongwe a itse gore le ena o na le letsogo mo tsamaisong ya tsa thuto. Ga se fela ba ba dirang mo thutong. Batsadi le bona ba tshwanetse gore ba dire le bana ba bona ba ba thuse go buisa le go itshwara sentle mo sekolong. Ba thuse barutabana, ba tsamaye dikopano tse ba di bilediwang kwa dikolong, ba buise dipegelo tse di ntshiwang ke barutana. Dilo tseo tsotlhe di rulaganya tsamaiso ya thuto. Fa re ka dirisana jalo ke bona tswelelopele. Ga se madi fela, ke dintlha tseo tsotlhe di kopane tse di dirang gore thuto e tsamaye sentle. [Legofi.] (Translation of Setswana paragraphs follows.)
[... Mr Boinamo, a little while ago, you mentioned before this House what you know. I am disappointed because you have failed to look for information before coming to this august House. You have to ask me first about whether or not what you have read in the newspapers is true; so that I can help you tell the truth when you come to this House. The upgrading of schools does not only involve money. Like you have mentioned, the people that we work with must have the relevant expertise. We are also trying by all means to employ people who are good at their work. We assist them by ensuring that they get the knowledge that is appropriate for their work in education. We are empowering Regional Officers, and I have already mentioned this in this House, on several occasions. We are also working hand in hand with the educators and you are quite aware of our action plan for the development of educators. In fact, we plan to employ people who master their work.
We would like to appeal to everyone here in Parliament to work together with parents, educators and our children, so that everyone should know that he or she has a say in education. This does not only refer to those that work for the department. Parents should also be there for their children, and help them read and teach them how to behave at school. They must help educators in every possible way, by attending school meetings and study reports that are issued by educators. All these will place the system of education in order. If we work together like that there will be progress. This is not only about money, it is about all these factors being interwoven to ensure that the system of education runs smoothly. [Applause.]]