Modulasetulo, ke kopa gore Motlatsamoporesitente wa naga ya rona a re bontshe tsela jaaka ikonomi ya rona e amegile bobe. Re le baeteledipele mo malatsing a gompieno, a go sengwe se se bontshang gore se ka re fa tshepo ya gore kwa re yang teng re ka bona ikonomi e botoka? Ke a leboga.
MODULASETULO WA KHANSELE YA BOSET?HABA YA DIPOROFENSE: Rre Mokgoro, ke potso e nt?ha eo. Ga se potsotlaleletso e e tshwanetseng e theiwe mo potsong e e boditsweng. Fela ka gore ke a lemoga gore ga re a tlwaela, nka se thibele Motlatsamoporesitente gore fa a na le karabo a go arabe fela o itse gore ga e tsamaelene le potso e e kwadilweng mo pampiring. Motlatsamoporesitente ga ke itse gore a o batla go e araba.
MOTLATSAMOPORESITENTE: Modulasetulo, ke a leboga Modulasetulo gore ke bo ke boditswe potso e e ntseng jaana. Ke tla e araba ka gore mathata a ikonomi ga a aparela rona re le esi jaaka Aforika Borwa. Ke mathata a tota a simolotseng kwa Amerika, jaanong ke ka moo mafatshe a G20 a rileng Amerika e tshwanetse go tswa pele mo mathateng gore le rona re tle re tswe mo mathateng a ka gonne ke yona mmaraka o mogolo. Sekai, fa re lebelela dijanaga, e rile fa ba sa tlhole ba reka dijanaga tse dint?ha kwa Amerika, kgang eo ya re utlwisa botlhoko ka gonne Volkswagen le Mercedes Benz kwa Kapa Botlhaba di ne di aga dikoloi tse di rekisiwang kwa Amerika mme fa ba sa tlhole ba di tlhoka batho ba fokodiwa mo ditirong.
Dimmaene tsa rona tsa polatinamo le tsona di kgona go nna le mmakete fa dijanaga di ntse di dirwa. Selo se sa fetela kwa dimaeneng kwa diketekete di fokoditsweng mo tirong. Ke ona mathata a re leng mo go ona mme a tlile go tsaya gongwe dingwaga di le pedi tse re yang mo go tsona. Re tla tswa mo sekgweng gongwe ka ngwaga wa 2013. E tla bo e le gona re tswang mo mathateng a a ikonomi. (Translation of Setswana paragraphs follows.)
[Mr G G MOKGORO: Chairperson, I would like to request the Deputy President of our country to lead us in this time when our economy is in a crisis. As the current leaders, can we say there is hope for a better economy for the future? Thank you.